Matthew 22

Setshwantsho ka modiro wa lonyalo

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 22:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 22:1-2.
Jesu a bolela dipolelo tse dingwe tse dintsi go supa gore Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le eng. Sekai, bo ka tshwantshiwa ka polelo ya Kgosi e e kileng ya baakanyetsa morwaa yone mokete o mogolo wa lenyalo.
3Baeng ba le bantsi ba lalediwa, mme e rile fa dijo di setse di siame a roma batho go itsise mongwe le mongwe gore ke nako ya gore ba tle. Mme batho ba ba laleditsweng ba gana! 4Jalo a roma batlhanka ba bangwe go ba bolelela gore, “Sengwe le sengwe se siame le dinama tse di besiwang di setse di le mo isong. Itlhaganeleng!” 5Mme baeng ba a neng a ba laleditse ba tshega fela ba tswelela pele le ditiro tsa bone, mongwe kwa morakeng wa gagwe yo mongwe kwa madirelong a gagwe; 6ba bangwe ba itaya batlhanka ba gagwe ba ba tshwara setlhogo mo go tlhabisang ditlhong, ba bo ba bolaya bangwe ba bone.

7Hong Kgosi e e galefileng ya bolotsa ntwa ya yone ya bolaya babolai ya tshuba motse wa bone. 8Mme ya raya batlhanka ba yone ya re, “Modiro wa lenyalo o siame, mme baeng ba ke ba laleditseng ga ba a tshwanelwa ke tlotlo. 9Jaanong tsamayang mo mebileng ya motse lo laletse mongwe le mongwe yo lo mmonang.”

10Mme batlhanka ba dira fela jalo, ba lere batho botlhe, basiami le baleofi ka go tshwana; mme ntlo ya tlala balalediwa. 11Mme e rile fa Kgosi e tla go rakana le balalediwa, ya bona monna yo a neng a sa apara seaparo sa lenyalo (se a neng a se neetswe). 12Kgosi ya botsa ya re, “Tsala, go diragetse jang gore o bo o le fano o sena seaparo sa lenyalo?” Mme monna a tlhoka karabo.

13Hong Kgosi ya raya bathusi ba yone ya re, “Mo golegeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle mo lefifing kwa go nang le selelo le khuranyo ya meno gone.” 14Gonne ba le bantsi ba biditswe, mme ba se kae ba itshenketswe!

Lekgetho la ga Kaesara

15Bafarasai ba kopana go leka go akanya tsela e ba ka mo tshwarang mo puong ka yone. 16Ba ikaelela go roma bangwe ba banna ba bone le Baheroda go mmotsa potso e: “Rra, re itse gore o ikanyega thata le gore o ruta boammaaruri kwa ntleng ga go tlhokomela tse di ka go diragalelang, e bile o sa boife bomang-mang jwa ga ope. 17Jaanong re bolelele, a go siame go ntshetsa mmuso wa Roma lekgetho kgotsa nnyaa?”

18Mme Jesu a bona se ba neng ba se ikaeletse. A re, “Baitimokanyi ke lona! Lo leka go tsietsa mang ka dipotso tsa lona tsa bolotsana? 19Ntshupegetsang ledi,” Mme ba le mo naya.

20A ba botsa a re, “Le tshwantshitswe mang? Gape leina le le ka fa tlase ga setshwantsho se ke la ga mang”?

21Ba mo fetola ba re, “la ga Kaisara.” Mme a ba raya a re, “Go siame le neyeng Kaisara fa e le la gagwe, mme lo neele Modimo sengwe le sengwe se e leng sa one.”

22Mme phetolo ya gagwe e ne ya ba gakgamatsa ya ba ya ba palela ba mo tlogela ba tsamaya.

Nyalano le go tsoga ga baswi

23Mme ka letsatsi leo bangwe ba Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi morago ga loso, ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ba re 24“Morena, Moshe o rile fa motho a a swa a sena bana, monnawe a nyale motlholagadi yoo, mme bana ba bone ba tlaa ja boswa. 25Go kile ga bo go na le monna mongwe mo motseng wa rona a na le bana ba basimane ba supa. Mme wa ntlha a nyala mme a swa a sena bana, jalo motlholagadi wa gagwe a nna mosadi wa ga monnawe yo o mo tlhomaganelang. 26Mme le ene monnawe yo, a swa a sena bana, mme mosadi a nyalwa ke monnawe yo mongwe. Ga direga fela jalo go fitlhelela a nna mosadi wa mongwe le mongwe wa bone ka bosupa! 27Mme mosadi le ene a swa. 28Jalo o tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi? Gonne e ne e le mosadi wa bone ka bosupa.”

29Mme Jesu a re, “Phoso ya lona e dirwa ke bosenakitso jwa lona jwa go tlhoka go itse dikwalo le nonofo ya Modimo. 30Gonne mo tsogong ya baswi ga go na lenyalo; mongwe le mongwe o tshwana le baengele mo legodimong. 31Mme jaanong, fa e le gore go na le tsogo ya baswi, a ga lo ke lo bala dikwalo? A ga lo lemoge gore Modimo o ne o bua le lona fa o re, 32‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Jalo Modimo ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi.”

33Bontsintsi jwa batho jwa itumedisiwa thata ke dikarabo tsa gagwe.

Molao o mogolo go yotlhe

34
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 22:35.
35
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 22:34-35.
Mme e seng Bafarasai! E rile ba utlwa gore o didimaditse Basadukai ka phetolo ya gagwe, ba akanya sesha potso e bone ba ka e mmotsang. Mongwe wa bone yo e neng e le mmueledi (Agente), a bua a re:

36“Morena, taolo ya botlhokwa mo melaong ya ga Moshe ke efe?”

37Jesu a fetola a re, “‘Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mowa le tlhaloganyo.’ 38
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 22:39.
39
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 22:38-39.
E ke taolo ya ntlha ebile e le e kgolo. Ya bobedi ya botlhokwa thata e e tshwanang le yone ke e e reng: ‘Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.’
40Ditaolo tse dingwe tsotlhe le se se batlwang ke baporofiti di tswa mo melaong e mebedi e, mme e diragadiwa fa e tshegediwa. Tshegetsa yone e mebedi e fela, mme o tlaa bona gore o tshegeditse e mengwe yotlhe.” 41Mme ya re a farafarilwe ke Bafarasai, a ba botsa potso a re:

42“Lo gopolang ka ga Mesia? Ke Morwa mang?” Ba araba ba re “Ke Morwa Dafide.”

43Mme Jesu a botsa a re, “Mme ke eng fa Dafide, a bua ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, a mmitsa a re ‘Morena’ Ka gore Dafide o rile, 44‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong la me le legolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago!’ 45Mme fa Dafide a mmitsa ‘Morena’, e ka nna morwawe jang?”

46Ba tlhoka karabo. Mme morago ga moo ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso tse dingwe.
Copyright information for TsnLEF